KHUNOLOGO YA BOLWETSE, KHUNOLOGO YA BOKOA LE THOLOTIRO YA BOLWETSE MO BODIREDINGPUSO
GORENG KHUNOLOGO YA BOLWETSE?
Mo tsamaong e e tlwaelegileng ya ditiragalo tsa botshelo jwa gago o ka lwala kgotsa wa gobala mo o tla tlhokang khunologo go kokotlela mo bolwetseng jwa gago kgotsa mo kgobalong ya gago. Tsweetswee gakologelwa gore dikgobalo mo ntlheng e ga di kaye dikgobalo mo tirong.
DITSHWANELO TSA GAGO KE DIFE?
Khunologo ya bolwetse e e tlwaelegileng ya malatsi a tiro a diura di le 36 ka tuelo e e feletseng mo tshekong ya khunologo ya bolwetse. Tsheko ya khunologo ya bolwetse ke paka ya dingwaga di le tharo tse di latelanang. Tsheko ya khunologo ya bolwetse ya ga jaanong e simolotse ka 1 tsa Ferikgong ka 2004.
MAIKARABELO A GAGO KE AFE MALEBANA LE GO DIRISA KHUNOLOGO YA BOLWETSE E E TLWAELEGILENG?
Fa o itse nako e sa ntse e le teng gore o tshwanetse go ya kwa thulaganyong ya kalafo, sekao: karo, dira kopo le go romela foromo ya gago ya kopo nako e sa ntse e le teng.
Le fa go ntse jalo, fa o kowafaditswe ke bolwetse jwa ka bonako kgotsa o bone kgobalo, itsise motlhokomedi wa gago ka bonako fa o retelelwa ke go dira ka ntlha ya bolwetse jwa gago kgotsa ka ntlha ya kgobalo ya gago. Molaetsa wa molomo ka wa losika, ka modirimmogo kgotsa ka tsala o amogelesega fela fa boleng le/kgotsa maemo a bolwetse/kgobalo e go thibela go bolelela motlhokomedi wa gago/motsamaisi wa gago ka sebele.
Romela setifikeiti sa boitekanelo sa bolwetse sa dipaka tsa malatsi a le mararo le go feta LE mo ntlheng ya fa o setse o dirisitse khunologo ya bolwetse go feta gabedi mo pakeng ya dibeke di le 8, go sa kgathalesege paka ya go se nne teng. Gape lebelela fa tlase Kamogelo ya Ditifikeiti sa Boitekanelo.
Dirisa le go laola khunologo ya bolwetse ka mokgwa o o siameng le ka kelotlhoko ka motsi wa tsheko ya khunologo ya bolwetse.
Tila go dirisetsa khunologo ya bolwetse mabaka a mangwe a e seng a bolwetse kgotsa a dikgobalo ka o tla nna mo bothateng moragonyana mo tshekong ya khunologo ya bolwetse.
MAIKARABELO A MOTHAPI KE AFE?
Go sekaseka le go go neela khunologo ya bolwetse go ya ka kopo ya gago.
Go tlhokomela le go batlisisa dintlha tse di rileng tsa tlwaelo tsa khunologo ya bolwetse malebana le kgonagalo ya tiriso e e botlhaswa. Le go tsaya kgato fa go tlhokega. Mothapi a ka kopa setifikeiti sa boitekanelo mo maemong a a rileng sa dipaka tse di ka fa tlase ga malatsi a le 3 fa ntlha e e rileng e lemogilwe.
Go gakolola badiri ka ga tiriso e e siameng ya khunologo ya bolwetse.
Go amogela maemo a tiro kgotsa ditlhokego tsa tiro kgotsa a batla tiro e nngwe,jj mo dintlheng tsa fa go tlhokega .
KHUNOLOGO YA BOKOA KE ENG?
Khunologo ya bokoa ke thuso e o ka e kopang mo motsing wa fa o dirisitse khunologo ya bolwetse ya gago ya tlwaelo mo tshekong ya khunologo ya bolwetse ya dingwaga di le 3. Khunologo ya bokoa e malebana le tsamaiso e bile e arogantswe ka mefuta e le mebedi:
Bokoa jo bokhutshwane - se ke fa paka ya khunologo ya bokoa e o e kopang e le ya malatsi a le 29 kgotsa kwa tlase
Bokoa jo boleele - se ke fa o dira kopo ya khunologo ya bolwetse ya malatsi a le 30 kgotsa go feta
THUSO E E AMA ENG?
O ka nna wa dira kopo ya motsi mongwe le mongwe o o o batlelang khunologo ya bokoa, go ikaegilwe ka-
thomelo ya setifikeiti sa boitekanelo sa motsi mongwe le mongwe; le patlisiso ya mothapi ya boleng le maemo a bolwetse kgotsa kgobalo ya gago.
MAIKARABELO A GAGO KE AFE?
Dira kopo mo diforomong tsa kopo tse di kopiwang. Tsweetswee ela tlhoko gore o tshwanetse go dira kopo mo diforomong tse di tlhagisitsweng tsa khunologo ya bokoa e khutshwane le e telele. O ka nna wa se dirise foromo ya Z1 mo ntlheng e.
Fa o itse nako e sa ntse e le teng gore o tshwanetse go ya kwa thulaganyong ya kalafo, sekao: karo, dira kopo le go romela foromo ya gago ya kopo nako e sa ntse e le teng.
Le fa go ntse jalo, fa o kowafaditswe ke bolwetse jwa ka bonako kgotsa o bone kgobalo, itsise motlhokomedi wa gago ka bonako fa o retelelwa ke go dira ka ntlha ya bolwetse jwa gago kgotsa ka ntlha ya kgobalo ya gago. Molaetsa wa molomo ka wa losika, ka modirimmogo kgotsa ka tsala o amogelesega fela fa boleng le/kgotsa maemo a bolwetse/kgobalo e go thibela go bolelela motlhokomedi wa gago/motsamaisi wa gago ka sebele.
Ka gale o tshwanetse go romela setifikeiti sa boitekanelo le kopo ya gago. Gape o ka nna wa romela dipegelo tsa tshegetso tsa boitekanelo tse di leng teng le tshedimosetso, mmogo le lebaka le le kwadilweng le kopo ya gago ya khunologo ya bokoa. Gape lebelela Kamogelo ya Ditifikeiti tsa Boitekanelo.
Tila go dirisa khunologo ya bokoa botlhaswa.
Obamela le go tlhokomela dipeelano tsa tlhatlhobo e nngwe ya boitekanelo tse di rulagantsweng le go kopiwa ke Motsamaisi wa Kotsi ya Boitekanelo wa Mothapi.
MAIKARABELO A MOTHAPI KE AFE?
Mothapi o ya go go neela khunologo ya bokoa e e nang le melawana go ikaegilwe ka dipholo tsa patlisiso ya yona mo boleng le mo maemong a khunologo ya gago ya bokoa.
Mothapi o tla tsamaisa le go batlisisa kopo ya gago ka thuso ya Motsamaisi wa Kotsi ya Boitekanelo, go ya ka Pholisi le Thulaganyo malebana le Khunologo ya Bokoa le Tholotiro ya Bolwetse (PILIR). O ka kopiwa go tsenela ditlhatlhobo tse dingwe tsa boitekanelo jaaka ka karolo ya patlisiso gore mothapi a tle a tseye tshwetso e e siameng ka ga khunologo ya bokoa e e tswelelang pele kgotsa sekao: kamogelo e e kgonegang ya maemo a gago a tiro kgotsa tiro e nngwe.
Mothapi o ya go nkitsise ka ga diphitlhelelo tsa yona le go tsaya kgato e e maleba go ya ka diphitlhelelo tsa yona.
THOLOTIRO YA BOLWETSE KE ENG?
Fa o retelelwa go dira leruri ka ntlha ya mabaka a boitekanelo, o ka gololwa/lebogisiwa mo tirong ya Bodiredipuso ka mabaka a boitekanelo.
SE SE AMA ENG?
Wena kgotsa mothapi wa gago a ka simolola tholotiro ya bolwetse fa go ka belaelwa gore o retelelwa leruri ke go dira. Sekao e ka nna morago ga kotsi e e masisi ya sejanaga.
Fa o dirile kopo ya khunologo ya bokoa jo boleele e bile patlisiso ya mothapi e supa fa o ya go retelelwa go dira leruri, ba ka oketsa kopo ya gago ya bokoa go kopo ya tholotiro ya bolwetse.
MAIKARABELO A GAGO KE AFE?
O ka kopiwa go tlatsa diforomo tsa kopo tsa tholotiro ya bolwetse.
Romela ditifikeiti tsa boitekanelo le dipegelo tse dingwe tsa tshegetso tsa boitekanelo tse di leng teng le tshedimosetso le kopo. Gape lebelela Kamogelo ya Ditifikeiti tsa Boitekanelo.
Obamela le go tlhokomela dipeelano tsa tlhatlhobo e nngwe ya boitekanelo tse di rulagantsweng le go kopiwa ke Motsamaisi wa Kotsi ya Boitekanelo wa Mothapi.
MAIKARABELO A MOTHAPI KE AFE?
Mothapi o tla tsamaisa le go batlisisa kopo ya gago ka thuso ya Motsamaisi wa Kotsi ya Boitekanelo, go ya ka PILIR. O ka kopiwa go tsenela ditlhatlhobo tse dingwe tsa boitekanelo jaaka karolo ya patlisiso gore mothapi a tle a tseye tshwetso e e siameng ka ga kgonagalo ya gago ya tholotiro ya bolwetse, kgotsa fa go retela leruri go dira, go tsaya tshwetso e e siameng ka ga sekao: kamogelo e e kgonegang ya maemo a gago a tiro kgotsa tiro e nngwe.
Mothapi o ya go go itsise ka ga diphitlhelelo tsa yona le go tsaya kgato e e maleba go ya ka diphitlhelelo tsa yona.
KAMOGELO YA DITIFIKEITI TSA BOITEKANELO!
Malebana le khunologo ya bolwetse e e tlwaelegileng ditifikeiti tsa boitekanelo tse di rebotsweng le go saeniwa ke batlhankedi le batho ba ba leng maleba go batlisisa le go alafa balwetse gape ba kwadisitswe le dikhansele tse di latelang tsa porofešenale tse di tlhomilweng ke Molao wa Palamente di tla amogelwa:
Khansele ya Diporofešene tsa Boitekanelo ya Aforika Borwa
Khansele e e Kopaneng ya Diporofešene tsa Boitekanelo ya
Aforika Borwa
Khansele ya tsa Booki ya Aforika Borwa.
Malebana le khunologo ya bokoa mothapi o tla amogela fela ditifikeiti tsa boitekanelo tse di rebotsweng e bile di saenilwe ke batlhankedi ba ba kwadisitsweng le Khansele ya Diporofešene tsa Boitekanelo ya Aforika Borwa gape ba ba leng maleba semolao go batlisisa le go alafa balwetse. Setifikeiti seo sa boitekanelo se tshwanetse, le tetla ya gago e e sedimositsweng, go tlhalosa boleng le maemo a bolwetse/kgobalo.
Setifikeiti sa boitekanelo se tshwanetse go nna le tshedimosetso e e latelang:
Leina, aterese le dikwalo tsa motlhankedi.
Leina la molwetse.
Letlha le nako ya tlhatlhobo.
Fa motlhankedi a rebola setifikeiti ka ntlha ya dikeleko tsa sebele ka motsi wa tlhatlhobo, kgotsa ka ntlha ya tshedimosetso e e amogetsweng mo molwetseng e bile e ikaegile ka mabaka a a amogelesegang a boitekanelo.
Tlhaloso ya bolwetse/bokoa, fa fela molwetse a neelane ka tetla ya go senola tshedimosetso eo.
Fa molwetse gotlhelele a sa kgone go dira kgotsa a molwetse o tla kgona go dira ditiro tse di seng thata kwa tirong.
Paka ya khunologo ya bolwetse e e atlanegisitsweng le letlha la thebolo ya setifikeiti sa bolwetse.
Temogo ya motlhankedi fa a dirisa ditifikeiti tsa boitekanelo tse di gatiseditsweng ruri, mafoko a a seng maleba go molwetse a tshwanetse go phimolwa.
ELA TLHOKO!
Mothapi a ka kgona fela go sekaseka le go simolola patlisiso ya kopo ya gago fa o setse o rometse foromo ya kopo e e tladitsweng sintle le ditokomane tsotlhe tse di tlhokegang. Se se akaretsa go boela kwa ngakeng ya gago gore e tlatse pegelo e e tlhokegang e e leng karolo ya diforomo tsa kopo. Foromo e e sa tladiwang sentle e ka tsenya go fitlhelela ga gago khunologo ya bokoa kgotsa ya tholotiro ya bolwetse mo kotsing.
Fa o-
batla nako go bona ngaka, therapisi, jj.ka mabaka a a amanang le boitekanelo jwa gago/maemo a gago; kgotsa se teng mo karolong ya letsatsi ka ntlha ya bolwetse kgotsa kgobalo;kgotsa golofetse e bile o tshwantse go ya go bona tlhokomelo ya didirisiwa tse di dirisiwang ka ntlha ya bogole, mothapi o ya go go neela nako ya go se nne teng go. Mothapi o ya go somarela rekhoto ya dipaka tseo mo bukeng tse di dirisitsweng go fitlhela letsatsi lotlhe le konosediwa. E ya go gogiwa mo dikaelong tsa gago tsa khunologo ya bolwetse.
O ya mo ntlheng eo go solofelwa go tlatsa rejisetara ya nako e e tserweng malebana le rekhoto.
Bosupi jwa ditiragalo tseo bo ya go nna botlhokwa.
